Tsebe e gole ke
website ya boitlhaopo fela jwa badiri ba lephata la Computer Science
la Universithi ya Botswana.
Website e ga e gwebe ka tsela epe le fa ele go
dira dipoelo tsa mofuta ope. Lefa e gatisa le go gasa dithulaganyo
dingwe tsa Seromowa sa Botswana (RB1), website e ga e ka fa tlase ga
tsamaiso ya seromamowa se.
Badiri ba Tsebe e gole, batlhokomedi ba yona, kgotsa ba metswedi ya
dikitsiso e dithulaganyo tsa yona di tlhagelelang mo Tsebe e gole, ga ba
tlamege ka gope tsisa dithulaganyo ka dinako tse di supilweng.
Ka dinako tsotlhe re leka go gatisa dithulaganyo jaaka di gasiwa mme
ga re kake ra solofetsa gore ga go kake ga nna le diphoso tsa boranyane
mo kgatisong ya dithulaganyo.
Botlhe ba ba amanang le Tsebe e gole gammogo le metswedi ya
dithulalaganyo, ga ba kake ba rwesiwa maikarabelo le fa ele go
sekisediwa diphoso dipe tse di mo kgatisong le fa ele mo
tshedimosentsong e e mo dithulaganyong. Mo godimo ga moo, ga ba kake
ba sekisediwa gore molaetsa o o gasitsweng
o kgopisitse mongwe kgotsa o mo ntshitse mo tseleng ka tsela epe fela.
Ka go tswelela o dirisa website e, o supa fa o dumalana le melawana
yotlhe e e fa godimo.
Tsebe e gole.