G
oroga ka pula mogaetsho mo
Tsebe e gole. Motlapele o kile a bua a re tsebe go reelediwa e gole,
e e gaufi, e a itheeletsa. Le fa go ntse jalo, dilo mo matsatsing a
segompieno di tsere phekelo e sele. Ka ntlha ya ditlhabologo mo maranyaneng
a ditlhaeletsanyo, bogolo jang mafaratlhatlha a Internet, re ka fetola
mafoko. Jaanong re ka bua segompieno ra re "tsebe ga go reetse e e gaufi
fela, le e e gole e ka itheeletsa e seng go utlwa ka gatwe. "
Web site e ya
Tsebe e gole, ke maiteko a rona a go tlhaba Batswana podi matseba ka
tse di dirafalang mo Botswana. Ka le rona re sa nne mo Botswana, re
itebagantse bogolo jang le "banageng" ka rona.
Tsebe e gole e anamisa mananeo a a farologaneng go tswa mo
motsweding ya dikitsiso ya seromamowa. Mo nakong eno, mananeo otlhe ke a
Seromamowa sa Botswana (Radio Botswana).
Web site eno mogaetsho, ke
tirelo ya boithaopo fela jwa badiri ba lephata la Computer Science la University ya Botswana;
ga e dire dipoelo dipe e bile ga gona thuso epe ya madi e e lebaganeng le yona.
Ka jalo re go rotloetsa go bala Maikarabelo le
Melawana ya tiriso.
Lefa e gatisa le go gasa dithulaganyo dingwe tsa Seromamowa sa Botswana (RB1),
website e ga e ka fa tlase ga tsamaiso ya seromamowa se.
Re amogela dikakgelo le dikgakololo tsotlhe ka jalo gololesega go latlhela tlhware legonyana. Le fa
mafoko a kgotla a le mantle otlhe, ka maswabi ga re kake ra solofetsa gore
re tla dirafatsa dikeletso tsotlhe.
A theetso e nne e e monate....